Bokhutlo

A o batla go itemogela lorato la nnete la modimo mo botshelong jwa gago?

A o kile wa itemogela lorato la nnete la modimo mo botshelong jwa gago?

Buka e e itebagantse le banana gore ba tle ba kgone go atla lorato la nnete la Modimo mme ba mo dire pinagare ya matshelo a bone ba ikanye Morena Go bala buka e go tla dira gore o gole o bo o tlhaloganye lorato la gagwe la nnete mo mosepeleng wa gago wa botshelo. Ole monana o tla bo o kgona go bona Modimo e le mojotlhe o tlhaloganya ebile o itsenya mo ditlhakong tsa gagwe mo botshelong jwa gago ka kitso ya gore o na le wena. E go thusa ka go go kaela dikgato tse o tshwanetseng go di tsaya fa o rata Modimo ka lorato la  nnete botshelo jwa gago jotlhe.

Lorato la nnete la modimo mo mosepeleng wa botshelo e lere tshedimoso ya lorato la nnete la Modimo tsatsi le letsasi. E na gape le dikgato  tse ba ka di tsayang (banana) ba di dirisa go sala Modimo morago le go itemogela lorato la gagwe la nnete. Buka e itebagantse le go fetola matshelo a banana gore ba tle ba nne le lorato la nnete mo  Modimong ba sa le ba botlana. Mme se se tla dira gore ba nne le motheo mme ba itse lefoko la Modimo mo mesepeleng wa bone wa  lefatshe le le ka kwano. Se se tla ribolola bokgoni jwa bone ka go letla gore ba se sekaseke.

Buka e e tla thusa banana ka tse di Itelang:

Kgolagano le Modimo

Go itse Modimo le go mo tshepha.

Go leboga le go itumelela

Tumelo

Boitshoko

Bobelotelele

Kobamelo

Piracy-free
Assured Quality
Secure Transactions
Delivery Options
Please enter pincode to check delivery time.
*COD & Shipping Charges may apply on certain items.